Ana səhifə

Ka moo kgonagalo ya ponelopele e ka tlhalogangwang ka teng


Yüklə 49 Kb.
tarix25.06.2016
ölçüsü49 Kb.
Ka moo kgonagalo ya ponelopele e ka tlhalogangwang ka teng


Tirelo ya Bosa ya Afrika Borwa e rebola ponelopele ya nako e telele ka go dirisa kgonagalo. Seno se dirwa ka gonne maemo a loapi a fetofetoga le go sa tlhalogangweng sentle ga dikarolo tsotlhe tsa klelaemete. Fa go dirisiwa kgonagalo ya ponelopele e e kgaogangwang gararo, karolo nngwe le nngwe e nale tšhono e e lekanang ya go diragadiwa, fa fela go sena kitso nngwe e e oketsegileng ka “rekoto” ya klelaematholoji ya lefelo. Ka jalo, karolo ka bong e nale tshono ya nngwe-tharong e leng 33.3%, mo go rayang kgonagalo ya ditiragalo tse di fetileng. Ponelopele ya dikarolo tsa 33.3% tse di lekanang e bidiwa ponelopele ya klelaemete. Fa go na le tirigalo nngwe fela jaaka ya El Nino, dikarolo tseno ga di sa tlhole di lekana, mme karolo ya maemo a pula e e kwa tlase ga tlwaelo (kana a komelo) e tla nna kwa godimo ga 33.3% eo e fetang ponelopele ya klelaemete. Dikgonagalo tseno tsa karolo tse tharo di neelana ka tshekamelo ga mmogo le go se totobalang go ya ka klelaematholoji ga ponelopele.

Dikgonagalo tsa ponelopele di ka tlhalosiwa ka tsela e e latelang: Ka sekai, tsaya kgetsi e e nang le maungo a marataro, mefuta e mebedi ka bong, dinamune tse pedi, diapole tse pedi le diratsuru tse pedi. A re re diratsuru tse pedi di emela maemo a a kwa tlase ga a tlwaelo a pula, dinamune di emela maemo a tlwaelo, mme diapole di emela maemo a pula a a kwa godimo ga a tlwaelo. Kgonagalo ya go tlhopha lengwe le lengwe la maungo a a mo kgetsing o sa lebelela e a lekana. Ka sekai, kgonagalo ya go tlhopha ratsuru ke pedi go tswa go thataro, ka mantswe a mangwe ke 33.3%. Ka mo go tshwanang, leungo lengwe le lengwe mo kgetsing le nale kgonagalo ya 33.3%. Fa kgetsi eno e emela setlha sa pula, mme go sena kitso epe ka ga tiragalo ya El Niño kgotsa La Niña kgotsa go sena ponelopele ya “modele” wa maemo a a kwa godimo, go raya gore dikarolo tse tharo tsa kgonagalo di lekana le tsa go tlhopha enngwe fela ya maungo a a mo kgetsing. Ka jalo, fa go sena tlhomamiso epe ya ponelopele, maemo a kgonagalo tsotlhe tse ke 33.3%.

Tsholofelo ya tiragalo ya El Niño e e tseneletseng mo setlheng sa pula ya selemo e oketsa kgonagalo ya komelelo kgotsa pula e e kwa tlase mo Aferika e e borwa. Kitso ka ga El Niño e e tlang a tshwana le go emisa nngwe ya diapole ka ratsuru mme kwa bofelo go oketse kgonagalo ya maemo a a kwa tlase a pula. Kgetsi ya maungo jaanong e nale diratsuru tse tharo, dinamune tse pedi le apole e le nngwe fela. Go tlhopha ratsuru jaanong go fana ka tshono ya 50% (tharo-go-tse-thataro) le ya 16.7% (nngwe-go-tse-thataro) go tlhopha apole. Eno ke kakanyo eo kgonagalo ya ponelopele ya maemo a setlha e e kaegileng ka yona. Elatlhoko gore go nale kgonagalo ya go tlhopha namone (pula ya tlwaelo) kgotsa le fa e le apole (pula e e kwa godimo ga tlwaelo). Tshono ya go tlhopha ratsuru e oketsegile fela. Fa re tla mo nneteng, badirisi ba tshwanetse go ela tlhoko le dikarolo tseo di seng kwa godimo, gonne lefa di ka nna dinnye go le go kae, ga di kake tsa itlhokomolosiwa. Mo godimo ga moo,gore “ponelopele” ya 50% ya go tlhopha ratsuru le ya 16.7% go tlhopha apole di ikanyege, go tlhopha le go emisa leungo ga lekgolo go tshwanetse ga fana ka tshono e e lekangwang ga makgetlho a ka nna 50 go ratsuru le a le 17 a go tlhopha apole.

Tsaya ka sekai ponelopele ya maemo a pula go ralala naga a na le tšhono ya 30% go nna kwa godimo ga tlwaelo, ya 45% go nna gaufi le a tlwaelo mme tšhono ya kwa tlase ga tlwaelo ya 25%. Karolo ya maemo a a tlwaelo eleng 45% e feta 33.3% mme ya kwa godimo, e kwa tlase ga 33.3% se se rayang gore, maemo a tlwaelo a nale tshono e e kwa godimo ga ya tlwaelo le ya kwa tlase ya go diragadiwa. Elatlhoko go sa totobalang ga ponelopele eno: le fa tšhono ya maemo a tlwaelo e le kwa godimo ga tse dingwe, ke 45% fela. Mo godimo ga moo, tshono ya maemo a a kwa tlase a pula e santse e le 25%, mo go rayang gore ke karolo e nngwe go tswa go dikgonagalo tse nne, mme maemo a a kwa tlase a tshwanetse go solofelwa.

Long-range Forecasting Group

South African Weather Service



longrange@weathersa.co.za



Verilənlər bazası müəlliflik hüququ ilə müdafiə olunur ©atelim.com 2016
rəhbərliyinə müraciət